GO JESA LOSEA LO LO NANG LE POUNAMA E E PHANYEGILENG/LO BOGODIMO JWA MOLOMO WA LONA BO PHANYEGILENG
Terapisi ( motho yo o thusang ) ya Motlotlo le Puo
Mokwadi wa "Michael o na le pounama e e phanyegileng le bogodimo jwa molomo jo bo phanyegileng"
Lo e tlhagisediwa ke Lefapha la Boitekanelo
Christopher, yo o ka fa ntle, o ne a belegwa a na le matlhakore a mabedi a pounama a a phanyegileng le bogodimo jwa molomo jo bo phanyegileng. Pounama ya gagwe e ne ya siamisiwa fa a ne a le dikgwedi di le 5 e bile o ne a atlega. Bogodimo jwa molomo wa gagwe bo tlile go siamisiwa mo sebakeng sa ngwaga.
KA GA MOKWADI
Georgia Haitas-Jammine ke patolojisi ( motho yo o dirang ka malwetse a mmele ) ya motlotlo le puo, yo o ntseng a dira go simolola ka 1976, yo o kgatlhegelang tshekamelo ya Pounama e e Phanyegileng le Bogodimo jwa molomo jo bo phanyegileng. O kwadile buka ya bana e e bidiwang "Michael o na le Pounama e e Phanyegileng le Bogodimo jwa molomo jo bo phanyegileng" e e tlhagelelang ka dipuo di le supa. Gape ke motlhatlheledi mo tshekamelong, mo Lefapheng la tsa Malwetse a mmele le Puo le tsa go Utlwa kwa Yunibesithing ya Lejweleputswa.
TSHUPANE
KA MOO LOSEA LO LO TLWAELEGILENG LO JESIWANG KA TENG 2
GO ANYISA LE LEBOTLOLO 3
MATHATA A A ITEMOGELWANG MABAPI LE GO JESA LOSEA LO BOGODIMO JWA MOLOMO WA LONA BO PHANYEGILENG 4
GORENG BOLEELE JWA NAKO YA FA NGWANA A JA BO LE BOTLHOKWA 5
GO ANYISA LOSEA LO BOGODIMO JWA MOLOMO WA LONA BO PHANYEGILENG 5
GO ANYISA LOSEA LO BOGODIMO JWA MOLOMO WA LONA BO PHANYEGILENG LEBOTLOLO 7
KGAKOLOLO YA KAKARETSO MABAPI LE GO ANYISA LEBOTLOLO 10
MEKGWA E MENGWE YA GO JESA E E SA AMENG GO ANYA 10
GO JESA KA KOPI 11
GO JESA KA SEPEITI KGOTSA KA TEROPOLE 11
GO JESA KA LESWANA 12
TŠHUPU YA NKO YA MOGODU 12
BOITEKANELO KA MOLOMO 12
MABAPI LE GO BUISA GO YA KWA PELE 13
MABAPI LE KGAKOLOLO LE THUSO E NNGWE 13
Go jesa losea lo pounama ya lona/lo bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng
Terapisi ( motho yo o thusang ) ya Motlotlo le Puo
Mokwadi wa "Michael o na le pounama e e phanyegileng le bogodimo jwa molomo jo bo phanyegileng"
MATSENO
Masea a a belegweng a na le bogodimo jwa molomo jo bo phanyegileng kgapetsa-kgapetsa a na le mathata a go jesiwa ka gonne phatlha ya molomo (molomo) ga e a kgaoganngwa le phatlha ya nko (nko). Ka jalo, losea ga lo kgone go bula phatlha mo molomong, mme lo itemogela bothata jwa go anya letsele kgotsa lebotlolo.
Tsenelelo le mofuta wa go phanyega, o o farologanang mo loseeng longwe lo longwe, e tla tlhomamisa ka moo lo kgonang go ja ka teng. Fa losea lo na fela le pounama e e phanyegileng, go nna le bothata jo bonnye fa bo le teng ka motsi wa go jesiwa. Ke go nna teng ga bogodimo jwa molomo jo bo senang bothata go go leng botlhokwa mo tiregong ya go anya.
KA MOO LOSEA LO LO TLWAELEGILENG LO JESIWANG KA TENG
Tirego ya go jesiwa e ama mašwi a a gamolwang mo thobeng (mo lebotlolong kgotsa mo letseleng), losea lo rulaganya mašwi ka mo mekgatong (tshobokano e nnye e kgolokwe), le go tsamaya ga mekgato e mo pele ga molomo le kwa morago ga molomo, go tswa moo o ka isiwa kwa mogodung. Ka tlwaelo losea lo tshwanetse go kgona go hema ka dinko fa lo jesiwa ka molomo.
Fa thoba e tsenngwa ka mo molomong, dipounama di bopa setswalo go o dikologa gape loleme lo a kukega go gamola thoba kgatlhanong le bogodimo jwa molomo jo bo thata. Loleme lo boela kwa morago, go letla karolo e kgolwane magareng ga dipounama le loleme/bogodimo jwa molomo go tswalega kwa ntle le go letla mowa ka mo phatlheng. Ka jalo, phatlha e a bulwa e bile mašwi a gogelwa ka mo molomong.
Phatlha e thibela thoba go tswa mo molomong e bile e thusa losea go kgomarela tlhoko. Metlhagare, loleme, matlhaa le marinini a gamola mašwi mo letseleng.
Tirego ya go jesa e a tshwana go sa kgathalesege sedirisiwa sa go jesa (letsele kgotsa lebotlolo). Le fa gontse jalo kgato e e amegang mo go anyeng mašwi mo letseleng e farologana mo go ya go goga mašwi mo lebotlolong. Thoba ya lebotlolo e tlhoka tiro e nnye mo motlhagareng wa losea, mo mesifeng ya sefatlhego, mo lolemeng, mo marinining, le mo matlhaaeng.
GO ANYISA LE LEBOTLOLO
Kelelo ya mašwi:
Ka kakaretso, kelelo ya mašwi ka mo lebotlolong e bonako go gaisa ya mo letseleng, le fa se se amiwa ke dintlha tse di mmalwa s.k. mofuta wa lebotlolo le thoba, le saese ya thoba. Kelelo ya mašwi ka motsi wa go anyisa e amiwa ke bokgoni jwa mme jwa go sisa (go ntsha mašwi) ka fa letlhakoreng je lengwe, go sisa ga mme go oketsega fa go anya ga losea go oketsega.
Go anyisa go na le mesola:
a Mašwi a letsele ke sedirisiwa sa mo mmeleng, e bile a ka se tlhole bothata mo ditogweng tsa mmele jaaka dijo tse dingwe tsa masea. Matha a nko ya losea lo lo phanyegileng a a bonagala, gape mašwi a letsele a ka se a tlholele bothata.
b Go anyisa ga go tlhole kgatelelo e tshwanang mo phatlheng ya tsebe jaaka lebotlolo mosola, ka masea a a nang le bogodimo jwa molomo jo bo phanyegileng a na le kgonagalo ya go ka nna le ditshwaetsego tsa mo phatlheng ya tsebe. Go anya go go nonofileng go letla tekatekano ya kgatelelo mo phatlheng ya tsebe, e bile go fokotsa dikgonagalo tsa ditshwaetsego tsa mo phatlheng ya tsebe.
c Mašwi a letsele a na le dithibela ditwatsi. A na le lactoferrin le immunoglobins tse di thusang go thibela ditshwaetsego. Masea a a phanyegileng a a anyang a na le palo e e kwa tlase ya dipegelo tsa ditshwaetsego.
Go sa kgathalesege gore losea lo anyisiwa letsele kgotsa lebotlolo, lo tshwanetse go newa kotlo e e siameng. Go anya go mosola ka gonne go rotloetsa tiriso ya mesifa ya sefatlhego e e tlhokegang mabapi le tiriso e e tlwaegileng ya dirwe tsa puo ya motlotlo (tlhabololo ya medumo)
Gape, mekgwa ya go jesa ya losea e botlhokwa thata. Losea lo lo tlwaelegileng lo tsaya metsotso e e kana ka 20-30 go khutlisa phepo, go go letlang kgolo le kotlo e e lekaneng.
MATHATA A A ITEMOGELWANG MABAPI LE GO JESA LOSEA LO BOGODIMO JWA MOLOMO WA LONA BO PHANYEGILENG
Mathata a ka gale a itemogelwang ka masea a bogodimo jwa molomo wa ona bo phanyegileng a akaretsa:
Go anya go go bokowa
Go balelwa
Go boa ga dijo ka dinko (go elela ga mašwi ka nko)
Nako e telele ya go jesa
Go kokotlela go go bokowa
Go goga mowa go go feteletseng
Mo loseeng lo bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng, thulaganyo ya phepo e e tlwaelegileng e kgoreletsega ka ntlha ya kgatelelo ya go anya go go bokowa le mathata a a itemogelwang fa lo leka go moma thoba. Masea a pounama e e phanyegileng ga se gantsi ba itemogela mathata a go ja. Phatlha ya mo pounameng le fa gontse jalo, e kgoreletsa go dira setswalo mo thobeng. Se se rarabololwa ke fa losea lo dirisa ntlha ya loleme le mokwatla wa marinini (karolo e e kwa godimo ya marinini e e tshwereng meno) go bopa setswalo mo thobeng. Go se nne teng ga setswalo se/sekhurumelo go ka dira gore mašwi a dutle mo phatlheng Go tsholetsa letlhakore la phatlha ya losea kwa godimo fa o mo anyisa mo letlhakoreng le lengwe la matsele go ka thusa go thibela mašwi go dutla.
Le fa gontse jalo, losea lo bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng lo ka se kgone go bopa setswalo kwa morago ga molomo ka gonne molomo le nko ga di a kgaoganngwa. Se ke bothata ka gonne setswalo sa kwa morago, se se tlhokegang malebana le go anya, se ka se kgone go diriwa. Malebana le setswalo sa kwa morago mowa wa maitirelo o tshwanetse go tlhagisiwa mo molomong go bopa phatlha. Mabapi le losea le bogodimo jwa molomo wa lona o phanyegileng, go leka go bopa phatlha e go tshwana le go futswela baluni e e phunyegileng. Kwa ntle ga phatlha e, losea lo ka se kgone go goga mašwi mo thobeng. Go sa kgathalesego go retelelwa ke go tlhagisa mowa wa maitirelo, fa thoba e tsenngwa ka mo molomong wa losea, kgololosego ya go anya e tla dira gore losea lo tsholetse loleme lwa lona go panyeletsa thoba go goga mašwi. Go tlhokagala ga bogodimo jwa molomo jo bo thata go kaya gore thoba e tla kgoromelediwa ka tlhamalalo ka mo phatlheng. Se se tlhola mathata a mabedi. Sa ntlha, thoba ga e panyelediwe sephara mo bogodimong jwa molomo ka jalo mašwi a mannye fa e le gore a teng a a gogiwa sa bobedi, fa thoba e le mo phatlheng e bile mašwi a gogiwa, a tla tsena ka tlhamalalo ka mo nkong go na le ka mo molomong mme mašwi a tla tsena ka dinko. Go tsena ga mašwi ka mo nkong a dira gore mašwi a a sa lekanang a metswe ka jalo thulaganyo yotlhe ya go jesa e ka lelefadiwa.
GORENG BOLEELE JWA NAKO YA FA LOSEA LE JA BO LE BOTLHOKWA
Maitemogelo a go ja a a lapisa mo loseeng le bogodimo jwa molomo wa lona o phanyegileng,le le ka robalang ka motsi wa go ja ka jalo lwa se ke lwa nwa mašwi a lona otlhe. Fa losea lo sa nwe mašwi a a lekaneng mo phepong nngwe le nngwe, lo ka se nne le bokete jo bo lekaneng e bile lo ka latlhelwa ke bokete. Se ke ka ntlha ya gore, fa losea lo tsaya lobaka go ja, lo latlhegelwa ke boleng jo bontsi jwa dijo fa lo ja go feta tse lo di bonang.
Morago ga go ja, go tlwaelegile mo loseeng longwe lo longwe gore lo robale. Ka motsi wa go robala go, tshilo ya dijo ya losea ka gale e a iketla, go go letlang go kokotlela. Ka jalo,fa losea le bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng lo tsoga dipaka tse telele ka gonne lo tsaya sebaka go ja, se ke ntlha e nngwe e e tla lo kgoreletsang go kokotlela sentle. Ka jalo go botlhokwa gore go ja go se ke ga feta boleele jo bo amogelesegang jwa nako (bokana ka metsotso e le 20-30).
Fa thulaganyo ya go ja e lebega e senya nako, batsadi le bona ba tshwarega dipaka tse telele. Dipaka tse telele tsa nako tse di dirisiwang go jesa, le go se atlege, gape go dira gore batsadi ba tlhakatlhakane.
GO ANYISA LOSEA LE BOGODIMO JWA MOLOMO WA LONA BO PHANYEGILENG
Mofuta wa phatlha o tla nna le seabe mo katlegong ya go anyisa. Go anyisa losea le le nang le phatlha ya mo letlhakoreng le le lengwe go ka diriwa bonolo fa thoba e bewa mo letlhakoreng la molomo le le sa amegang. Gape losea le tshwanetse go tshwarwa ka mokgwa o letlhakore le le nang le phatlha ka gale le lebisiwang kwa godimo. Se se thibela gore mašwi a se ke a tswa ka molomo go go ka diragalang fa phatlha e kabo e lebisitswe kwa tlase.
Go fokotsa go tshwara go go bokowa le go anya go go bokowa, mme a ka tshwara thoba ka mo molomong ka motsi wa go anyisa. Sesireletsi sa tlhoko le thoba le sona se ka dirisiwa.
Bomme ba tshwanetse go rotloediwa go leka go jesa ka ditsela tse di farologaneng go bona tse di leng maleba mo go bona, sk. go tsholetsa losea kwa godimo mo thobeng. Se se fokotsa go balelwa le go tsena ga mašwi ka mo nkong. Fa mašwi a matsele a dutlela ka mo nkong, ka gonne e le seedi sa mmele sa tlholego, ga a kgoreletse matha.
Go jesa ga go a tshwanela go tsaya metsotso e e fetang e e 30 e bile go anyisa go tshwanetse go tsenngwatirisong ka bonako morago ga pelego. Losea le ka jesiwa kgapetsakgapetsa go gaisa losea le le senang phatlha, selekano sa diura di le tharo.
Setswalo le sona se ka nna mosola. Se ke sedirisiwa sa ngaka ya meno le matlhaa, kgotsa poleiti, e e dirisiwang go tswala phatlha mo magalapeng a a omileng. Se se dira gore go jesa go atlege mo ditseleng tse dintsi. Bomme le bona ba ka leka go baya diatla tsa bona mo matseleng jaaka kopi magareng ga menwana le monwana o mogolo wa seatla mme ba panyeletsa letsele go thusa kelelo ya mašwi. Go baya ntlha ya monwana mo phatlheng ya pounama go tla thusa go dira setswalo se se botoka mabapi le go anya.
Le fa gontse jalo mathata a a rileng mabapi le go anyisa losea le bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng:
a Losea le ka itemogela makowa go tshwara le a go anya, e bile se se amanang le se ke bokowa jwa go tlhagisa mowa wa maitirelo wa ka fa teng wa molomo.
b Mme le losea ba ka tlhakatlhakana ka ntlha ya paka e telele ya go jesa, moo losea lo kgaratlhang go anya.
c Kelo ya kelelo ya mašwi e bonya, go go tlholang bokowa jwa kotlo mo loseeng. Ka jalo go kokotlela go go bonya ke ntlha e e botlhokwa.
d Ka motsi wa go anyisa go thata go kaya selekano sa mašwi a a antsweng a be a mediwang. Go dirisa mašwi a matsele a a gamoletsweng ka mo lebotlolong le le boleta go tla rarabolola bothata jo. Netefatsa gore losea le kolobetsa mongato wa lona mo go lekaneng. Se se netefatsa gore ga le latlhegelwe ke metsi.
e Bomme ba ka sotlega ka ga go tlala ga mašwi mo matseleng fa losea le sa anye mašwi a a lekaneng.
Go gamolola mašwi a matsele le go jesa ka lebotlolo le le boleta go letla losea go bona mosola mo go nweng mašwi a matsele, fela kwa ntle ga mathata a thulaganyo ya go anyisa.
Fa go anyisa go atlega, go itumedisa thata, mme fa go sa dire, mme a ka neelwa tlhopho ya go gamolola mašwi a matsele mme a jesa ka nngwe ya mekgwa e mengwe. Le fa mme ka gale a tshwanetse go rotloediwa go leka go anyisa, go le gontsi ga e atlege.
GO ANYISA LOSEA LO BOGODIMO JWA MOLOMO WA LONA BO PHANYEGILENG LEBOTLOLO
Go anyisa lebotlolo go botlhokwa go gaisa go fepa ka leswana kgotsa ka tšhupu ya nko ya mogodu, ka go naya losea maitemogelo a go anya, go gape go leng botlhokwa malebana le tlhabololo ya puo le ya lotlhaa. Ka ka gale go anyisa letsele go le thata, go anyisa lebotlolo ka gale ke mofuta o o botlhokwa. Fa go kgonagala, mašwi a letsele a tshwanetse go gamololwa mme a nwesiwe losea ka lebotlolo.
Losea lo tshwanetse go tlhamaladiwa mme e seng thata magareng. Se ke go tlhamaladiwa ga tlholego,go go letlang bokete go thusa mašwi go elelela kwa tlase. Gape go thusa go thibela mašwi go tsena ka bontsi ka mo Eustachian tubes le ka mo diphatlheng tsa karolo e e fa gare ga ditsebe.
Thoba e tshwanetse go nna latex e e boleta go na le silikhono. Thoba e ka apeiwa makgetlho a le mmalwa go e dira boleta. Thoba e e atlhameng e e sephara jaaka 'Nuk" le tse dingwe tsa sebopego se se jalo di botlhokwa mo maseeng a bogodimo jwa molomo wa ona bo phanyegileng, e bile di ka ratiwa ke dingaka tsa meno le matlhaa. Thoba e nngwe e e botlhokwa ke Pigeon latex teat, e e nang le phatlha ya khutlotharo . Lebotlolo le le panyeletsegang le lona le botlhokwa, go na le le le thata, ka o ka kgona go thusa go tsenya mašwi ka mo molomong wa losea ka go panyeletsa lebotlolo.
Thoba ya phatlha e e fetang e e tlwaelegileng kgotsa thoba ya phatlha e e kgabaganyang e ka thusa gore mašwi a elele. Se ke ka ka ntlha ya gore go anya go thata, e bile losea lo lapa bonolo. Le fa gontse jalo phatlha ga e a tshwanela go nna e kgolo mo mašwi a pumpunyegang fa lebotlolo le tsenngwa, losea lo tla balelwa. Mašwi a tshwanetse go rotha ka bonya. Go dira phatlha e kgololwane, dirisa lomao lo lo fisitsweng. Go sega thoba go kgabaganya, e tlhanolole, mme o sege phatlha ya bokana ka 5mm go kgabaganya ka go dirisa logare lo lo bolailweng ditwatsi. Fa o feditse busetsa thoba ka mokgwa o e neng e le ka teng.
Go anya go thata mo loseeng lo bogodimo jwa molomo wa lona o phanyegileng ka jalo losea lo lapa ka bonako. Go dira gore go jesa go nne bonolo, thoba ya phatlha e e fetang e e tlwaelegileng, kgotsa thoba ya phatlha e e kgabaganyang, e ka dirisiwa ka e thusa gore mašwi a elele bonolo.
Thoba e e siameng le lebotlolo le le siameng le siametse go dirisiwa! Go tlhomamisa fa thoba le lebotlolo le siame kgotsa le sa siama, losea lo tshwanetse go bo lo anya sentle, lo nna le bokete e bile o tshwanetse go kgotsofala ka mokgwa o lo jang ka teng. Fa losea lo kgona ka thoba le lebotlolo le le tlwaelegileng, lo dirise ka tokologo. Tlhopho nngwe le nngwe e e diriwang, e tshwanetse go nna teng le go kgonwa. Le fa gontse jalo, dithoba tse di mmalwa tse di kgethegileng di dirilwe malebana le losea lo bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng. Tse go fitlhetsweng di le mosola thata ke tse di latelang:
Lebotlolo le dirilwe ka polasitiki e e boleta, e e panyeletsegang, gape e na le sebopego se se 'sephara' kgotsa se senang le matlhakore a le mane. Se se letla motlhokomedi go panyeletsa lebotlolo sentle go thusa losea go bona mašwi a a lekaneng.
Thoba e telele gape e tshesanyane go na le dithoba tse di tlwaelegileng, e bile segilwe phatlha kwa godimo. Phatlha ga e letle mašwi go elela fa losea lo sa lome kgotsa lo sa anye thoba. Fa fela losea lo leka go anya mašwi a elela. Tekanyetso magareng ga go anya ga losea le go panyeletsa ga motlhokomedi e tlhagisitswe.
Thoba nngwe le nngwe e e tlwaelegileng e ka tsenngwa mo lebotlolong la Mead-Johnson, le fa go dutla ka nako nngwe go tlhagelela ka thoba e nngwe, se ga se masisi, gape se se tlhokagalang ke bibi.
Mabotlolo a Mead-Johnson a teng mo Aforika Borwa, e seng kwa khemising ya gago ya tlwaelo.*
(Leba tsebe ya 13)
Le fa mabotlolo a Mead-Johnson a bapadiwa e le 'a a latlhiwang morago ga go dirisiwa', a ka tlhatswiwa le go bolaiwa ditwatsi mma e dirisiwa gangwe le gape. Le fa gontse jalo go tshisinngwa gore o se ke wa a tsenya ka mo microwave oveneng kgotsa ka mo dishwasheng.
Thoba e e boleta e telele, e ka boyona e tshwarang bokana ka 29 ml jwa seedi.
Phatlha ya-velofo e e telele e tshesane mo thobeng e e ka bewang ka mokgwa o ka ona kelelo ya mašwi e ka laolwang gore a se ke a elela, a elele mo magareng, le gore a elele ka bontsi.
Thoba e e boleta e ka pinyelediwa sentle le go gololwa go thusa/putsa maatla a losea a go anya.
Lebotlolo le le na le go nna tlhwatlhwagodimo thata. Le lona le teng mo Aforika Borwa, e seng kwa khemising ya gago ya tlwaelo fela kwa baphasalatsing ba dikumo tsa Medela (Leba tsebe ya 13). Feeder e tla e feletse, go akaretsa lebotlolo, sekhurumelo, disiki, velofo le thoba.
Haberman Feeder ga e atlanegisediwe masea a a nang le mathata a go metsa sk. a ba nang le bothata go tlosa mašwi mo molomong go a tsenya ka mo mometsong.
KGAKOLOLO YA KAKARETSO MABAPI LE GO ANYISA LEBOTLOLO
Thoba e tshwanetse go tshegediwa ka mo molomong wa losea gore e tle e nne ka fa tlase ga šelofo ya lerapo la magalapa kgotsa kgatlhanong le poleite ya go fepa. Se se letla losea go gatelela loleme le thoba kgatlhanong le lerapo ka go dira jaana lwa goga mašwi. Fa thoba e tshegeditswe ka tlhamalalo ka mo molomong wa losea, e tla gatelelwa ka mo phatlheng e bile mašwi a tla tsena ka mo nkong e seng ka mo molomong.
Ka losea le ka metsa mowa o montsi fa lo anya, lo tshwanetse go phophothiwa mo mokwatleng kgapetsakgapetsa, sk. metsotso mengwe le mengwe e e mmalwa. Fa losea lo ka balelwa, go fepa go tshwanetse go emisiwa, lo tshwanetse go kgaramelediwa kwa pele sentle mo lengoleng la gago le go tshwaratshwariwa ka serethe sa seatla sa gago thata mo magetleng. Phimola mašwi mo nkong ya gagwe. Fa go balelwa go diragala, losea lo tshwanetse go jesiwa ka bonya, mašwi ga a tshwanela go kgoma bomorago jwa mometso. Thoba e e nang le phatlha e nnye, e e tsenyang mašwi a mannye ka mo molomong ka nako e lenngwe, le yona e thusa go thibela go balelwa.
E ka nna thulaganyo e e bonya, fela go botlhokwa gore motsadi a nne pelotelele le go lokologa, le go tsaya nako e e lekaneng malebana le go fepa. Go fepa ga go a tshwanela go tsaya metsotso e e fetang 30-45 mo diureng dingwe le dingwe di le 3-4 . Ka gale losea lo tshwanetse go tshwariwa ka lorato, lo tlamparelwe, lo go buisiwa. E ke nako e e botlhokwa thata ya go tlhola kamano e e siameng magareng ga losea le mme.
MEKGWA E MENGWE YA GO JESA E E SA AMENG GO ANYA
Botlhokwa jwa go anya bo setse bo gateletswe, fela fa go anyisa kgotsa lebotlolo le sa atlege, kgotsa fa ngaka e e dirang karo mo phatlheng e atlanegisa kemiso ya nakwana ya mekgwa e mebedi e ka paka ya tokafalo, mekgwa e mengwe le yona e ka lekelelwa. Yona e akaretsa go jesa ka kopi, ka sepeiti, ka teropole kgotsa ka leswana.
GO JESA KA KOPI
Go jesa ka kopi ke mokgwa o o siameng, ka o babalesegile, o sena ditwatsi, o le bonolo e bile o le tlhwatlhwatlase, gape o ka dirisiwa go fepa mašwi a a panyeleditsweng a letsele. Dirisa kopi e nnye jaaka 40ml Baby Cup Feeder e e leng teng mo baphalatsing ba dikumo tsa Medela. Tlhatswa kopi le go e bolaya ditwatsi o be o e tlatse mo go lekaneng ka mašwi. Baya losea mo diropeng tsa gago, o tshegeditse tlhogo ya lona. O ka tlhoka go phuthela diatla tsa lona gore lo se ke lwa thula kopi. Isa kopi kwa dipounameng tsa lona, fa lo bula molomo wa lona, sekamisa kopi. Lo tla gabola mašwi mo koping. O se ke wa tshela mašwi ka mo molomong wa lona. Lo letle go ikhutsa mo magareng ga megabolo. Lo tla nwa ka kgato ya lona le go laola go nwa ga lona mašwi. Fa lo kgotshe, lo tla tswala molomo wa lona le go gana go nwa gape. Ela tlhoko ka moo lo nwang ka teng mo letsang lotlhe, e seng mo go jeseng gangwe.
GO JESA KA SEPEITI KGOTSA KA TEROPOLE
Sepeiti kgotsa teropole, e ka bonwa kwa khemising, e bile e ka dirisiwa go rothetsa mašwi sentle ka mo letlhakoreng la lerama la losea, go na le ka mo mometsong wa lona. Go thusa ka go jesa ka sepeiti, silicone finger feeder ka Medela e ka bewa mo sepeiting. Motlhokomedi o baya monwana wa gagwe o monnye go bapa le silicone finger feeder, le go letla losea go anya mo monwaneng fa rabara ya sepeiti e gatelelwa sentle. Mokgwa o gape o ka dirisiwa go nwesa melemo.
GO JESA KA LESWANA
Go jesa mašwi ka leswana go bonya thata, fela go ka dirisiwa jaaka mokgwa o mongwe fa mekgwa e mengwe e reteletswe.
TŠHUPU YA NKO YA MOGODU
Mokgwa o o dirisiwa jaaka sedirisiwa sa bofelo sa go jesa losea lo bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng. Tšhupu e tsenngwa ka mo nkong ya losea, e bile e lebisiwa ka mo mometsong, e kgabaganya kgokgotso, mme mašwi a tshelwa ka mo tšhupung. Ke mokgwa o o seng matlhagatlhaga, ka losea lo sa dire sepe,le fa gontse jalo ke mokgwa o o ikanyegang thata o o dirang gore lo gole le go nna le bokete. Go atlanegisiwa thata gore lo rotloediwe go anya dami sk. Dami ya NUK ya Ngaka ya meno le matlhaa, segolobogolo ka motsi wa dijo. Se se tla tokafatsa go gololosega ga go anya, go go leng botlhokwa malebana le go gola ga matlhaa le puo. Gape go tla thusa losea gore fa lo ntse lo anya, mpa ya lona e a tlala! Go tlaleletsa, losea lo tshwanetse go tshwariwa mo maemong a a siameng a go jesiwa. Go jesa ka tšhupu ya nko ya mogodu go tshwanetse go khutlisiwa ka bonako.
BOITEKANELO KA MOLOMO
Fa mokgwa mongwe le mongwe wa go jesa o dirisiwa, go botlhokwa go tshola mafelo otlhe a phatlha phepa. Fa losea lo sena go jesiwa, lo neye metsi a a bothitho le a a tsiditsana mo lebotlolong go tlosa dijo tse di saletseng mo phatlheng. Letseta le le bongola le lona le ka dirisiwa go phepafatsa phatlha. Fa dijo di tlogelwa go kokotlela, di tla kopana le maswe a mo molomong le mamina go tswa mo nkong go bopa logogo lo lo thata, go go ka tlholang tshwaetsego mo lefelong le.
Lefoko la bofelo la thotloetso: Ka go nna le bokete jo bo oketsegileng, losea lo tla gola le go nna maatla, kwa bofelong lo tla kgona go dirisa thoba nngwe le nngwe le lebotlolo longwe lo longwe, kgotsa lwa dirisa kopi. Ga go botlhokwa go diegisa go latlhisa losea lo bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng go anya go lo naya dijo tse di loileng, e bile lo tshwanetse go tsholwa sentle.
Dikumo tsa Medela di teng kwa mabenkeleng a mangwe a a kgethegileng a masea, kwa borakhemising ba ba rileng le kwa baoking ba ba kgethegileng. Kgotsa di ka odariwa ka Mophasalatsi wa dikumo tsa Medela: Jane Pitt at +27 11-788-9102/72. Dikumo di ka posiwa ka bonako lefatshe ka bophara.
MABAPI LE GO BUISA GO YA KWA PELE
MABAPI LE KGAKOLOLO LE THUSO E NNGWE
Tliliniki ya lona ya selegae kgotsa bookelo
Bookelo jwa lona jwa selegae
Ipope-O-Tshege
